KA LESEKANG RANTAO

Ke seo Selofela se boneng,

Ga se selofela ke Kgosi-e-tsile goo ra-Olefile,

Ke kgosi, ke rangwane kgotleng yoo-Rantao

Tlogolo soo Rakate-a-Dipale ….

Ba e rileng banna ba okaoka ba gapa kgomo ba gapa naga

Bo dišhašhe ba re: dijo di bonwa kae;

Di bonwa goo-Rakate, teng go tsenwa ka sefane.

Ke mosimane wa MmaKgomo-a-kgosi

Se mmatleleng gaufi,

Mmatleleng Lenganeng la Mmasebogodi wa Tswenyane,

Koo basimane ko madisong ba ipoka ba re:

Kgomo di ja MmaKgope ga di mo kgore!

Di ja kgopane wa MmaSebogodi

Di ja molapo wa Mosela-wa-Petlwa.

Ramesega mpaa legola la gaetsho ke le tlhoboge

Bana ba se tlhole ba a ja bogogo ba je phufe le sebube

Ka thari e atile le wena ka wesi o a e bona;

Thite nka e opela diatla le yona.

Ba ile botlhe ke Badimo.

O setse mosimane wa phala-tsa-pele

O teng mosimane wa Matlhaselwa,

Mophato wa bofelo go komisiwa letshotelo ke Seruthe ka sebele.

Mo kakatleleng a seke a tšhomoga. 

Mo neyeng letlhotlho a tsose marope;

Kana tshika ga e ya baneng e menatlana mentsi.

Ba ntse ba re: pitse di fula kwa Tlhabelang

Ba akga diatla mo moyeng, ba re: ke fa, ke fale!

Nna ke itshegeditse ka Namane tse di tona Matshelaphala.

Tsa re go tsholetsa tlhogo tsa nna masupa-tsela

Marota a tshikinyega maruding.

Ba re sediba se teng go nwa ba ba tlhololo,

Ba nwa go ya tshikatshikeng

Tshika tsa ga MmaMarenyane.

A ditlhaka di lele re bone Kgosietsile a bina tšhontšholota

A etse ntšhe o motona a bona khumagadi!

©Lesekang Rantao

Leave a Reply