KA LESEKANG RANTAO
Ke seo Selofela se boneng,
Ga se selofela ke Kgosi-e-tsile goo ra-Olefile,
Ke kgosi, ke rangwane kgotleng yoo-Rantao
Tlogolo soo Rakate-a-Dipale ….
Ba e rileng banna ba okaoka ba gapa kgomo ba gapa naga
Bo dišhašhe ba re: dijo di bonwa kae;
Di bonwa goo-Rakate, teng go tsenwa ka sefane.
Ke mosimane wa MmaKgomo-a-kgosi
Se mmatleleng gaufi,
Mmatleleng Lenganeng la Mmasebogodi wa Tswenyane,
Koo basimane ko madisong ba ipoka ba re:
Kgomo di ja MmaKgope ga di mo kgore!
Di ja kgopane wa MmaSebogodi
Di ja molapo wa Mosela-wa-Petlwa.
Ramesega mpaa legola la gaetsho ke le tlhoboge
Bana ba se tlhole ba a ja bogogo ba je phufe le sebube
Ka thari e atile le wena ka wesi o a e bona;
Thite nka e opela diatla le yona.
Ba ile botlhe ke Badimo.
O setse mosimane wa phala-tsa-pele
O teng mosimane wa Matlhaselwa,
Mophato wa bofelo go komisiwa letshotelo ke Seruthe ka sebele.
Mo kakatleleng a seke a tšhomoga.
Mo neyeng letlhotlho a tsose marope;
Kana tshika ga e ya baneng e menatlana mentsi.
Ba ntse ba re: pitse di fula kwa Tlhabelang
Ba akga diatla mo moyeng, ba re: ke fa, ke fale!
Nna ke itshegeditse ka Namane tse di tona Matshelaphala.
Tsa re go tsholetsa tlhogo tsa nna masupa-tsela
Marota a tshikinyega maruding.
Ba re sediba se teng go nwa ba ba tlhololo,
Ba nwa go ya tshikatshikeng
Tshika tsa ga MmaMarenyane.
A ditlhaka di lele re bone Kgosietsile a bina tšhontšholota
A etse ntšhe o motona a bona khumagadi!
©Lesekang Rantao