Morwa – Ntao wa mare a majaga a matebele
Morwa kobo-ya-tau
O go tilweng kgomo e lla e okometse Lepele
E lla e okame Bitswe
E lla e potile Tswenyane morago
Badisa le e bokolotseng
Lo e bokolotseng
Lo be lo e gogeng ka melodi banna

Ngwana wa ga le masa-masa wa moloi
O re bolelela a matebe o aka
O re pitse di fula kwa Tlhabelang
Ngwana wa ga leropolotso le le maoto a mane
Le maoto matlhano le a taboga
Ka le sale le tlhola le faloutsa lotsatsa
Le duma jaaka ntshwe wa motsetsi le re:

Kana felo fa go swetseng rremogolo-golwane
Ke ago itse
Go matubako
Go maoto a batho
Ebile go makgolela a marumo

O motho!
Mongatana

Yo go tweng motho montsho mongaparela batho
O ne a betsa motho ka letswele a feta
A bowa a betsa o mongwe ka letswele a feta
Batho ba gagwe ba sala ba sule ba ntse dikgora
Ba sala ba sule ba ntse dithotho
Ba sala ba sule ba ntse dikgogora botlhe

Noga e ntsho ya bo MmaMarenyane
E ntse e itoga semelemethe
E itoga semelemethe le maje a Botlowe
Etswa kwa mosimeng e ise etswe yotlhe

Basadi bale ba -a-Rantao ba kae
Bo Seaomeng le Maitato
Ba kae ba sa tle go mpokisa Tshwene
Ba bona tshwene e galefile
Matlho a yona a talafetse
A talafetse o ka re bolele jwa noka ya kolone

Leave a Reply